KGWEDI YA NGWAO-BOSWA 2004
LETLHOMESO LWA TOKOMANE: KGWEDI YA NGWAO-BOSWA
THITOKGANG: KETEKO YA NGWAO-BOSWA ("SE RE SE DIRANG MO BOTSHELONG") MO NGWAGENG WA BOLESOME MO DEMOKERASING YA RONA
MATSENO
Lefapha la Botsweretshi le Setso, ka tumalano le DiTona tsa Bosetšhaba le Bakhuduthamaga ba ba rweleng maikarabelo a setso, kwa kopanong ya bone ya MINMEC ya Mopitlwe 2004, tshotse thitokgang "Keteko ya Ngwao-Boswa "(se re se Dirang mo Botshelong) mo Ngwageng wa Bolesome mo Demokerasing ya rona".
Thitokgang e, e tla dirisiwa mo dingwageng tse tharo tse di tlang go fitlha mafelo a Lwetse 2007. Lefapha, ka togamaano e, le ikaeletse go dirisa kgwedi ya Ngwao-Boswa jaaka sediriswa sa ponelopele ya paka-telele ya go kokoanya, go tlhokomela, go sireletsa, go tsweletsa le go anamisa ngwao-boswa jo bo tshelang /ngwao -boswa jo bo sa tshwaregeng.
MOGOPOLO "NGWA-BOSWA JO BO TSHELANG"
Go botlhokwa go itse gore se pholisi le ditokomane tsa peomolao tsa Aforika Borwa di se kayang e le ngwao-boswa, boditšhabatšhaba (UNESCO) se itsege jaaka Setso Ngwao-Boswa jo bo sa Tshwaregeng. Ka paakanyo sešweng jaana ga Kokoano Boditšhabatšhaba tebang le Tshireletso Boditšhabatšhaba ya Setso ngwa-Boswa jo bo sa Tshwaregeng, mokgwa o mošwa o gola ka lobelo o ka one batseneledi ba ngwao-boswa le badiragatsi ba simololang go dirisa "Ngwao-Boswa jo bo Tshelang le setso Ngwao-Boswa jwa Bo sa Tshwaregeng ka thefosano. Fa mongwe a bua ka ga ngwao-boswa jo bo tshelang go a tlhaloganyesega gore dipuisano di ka ga setso ngwao-boswa jo sa tshwaregeng le ka tsela e nngwe.
TLHALOSO YA NGWAO-BOSWA JO BO TSHELANG
Tlhaloso" jaaka go tlhagisitswe mo Molaong wa Khansele ya Bosetšhaba ya Ngwao-Boswa (Molao No 11 wa 1999) le Molao wa Bosetšhaba wa Didiriswa tsa ngwao-Boswa (Molao No 25 wa 1999).
Ngwao-Boswa jo bo Tshelang" go tewa dilo tse di sa tshwarweng tse di bonweng go tswa mo setsong, mme di akaretsa dilo tse:
Meetlo ya Setso
Histori e e buiwang bodiragatsi
Moetlo
Mogopolo o o rategang
Bokgoni le ditegeniki
Dithulaganyo tsa kitso ya tlholego le
Molebo o o anameng wa tlhago, loago dikamano tsa morafe.
Athikele 2 ya Kokoano ya Boditšhabatšhaba tebang le tshireletso ya Setso Ngwao-Boswa jo bo sa Tshwarweng e buisega jaana:
Tebang le Kokoano e - "Setso Ngwao-Boswa jo bo sa Tshwarweng" bo kaya ditlwaelo, dikemedi, ditlhagiso, kitso, bokgoni - gammogo le didiriswa, dilo, boitlhamedi le setso se se golaganang le tsona - gore setšhaba, ditlhopha le, mo mabakeng mangwe, batho ka bobone ba lemoga jaaka karolo ya setso ngwao-boswa jwa bone, bo fetisediwa go tswa kwa dikokomaneng tse dingwe go ya kwa go tse dingwe, e tsweletse go tsosolosiwa ke setšhaba le ditlhopha mo go tsibogeleng tikologo ya bona, kamano ya bone le tlhago le histori ya bone, mme e ba naya maikutlo go itsane le tswelelopele, ka jalo e rotloetsa tlotlo ya dipharologano tsa setso le boitlhamedi jwa batho. Ka ntlha ya Kokoano e, go tla gopolelwa setso ngwao-boswa ya go nna jalo jaaka go dumalana le didiriswa tse di leng teng tsa ditshwanelo tsa botho boditšhabatšhaba fela jaaka ditlhokego tsa go tlotlana magareng ga setšhaba, ditlhopha le batho ka nosi gore go nne le tlhabololo e e tswelelang.
Athikele 2 e tswelela ka go re "setso ngwao-boswa jo bo sa tshwaregeng" jaaka go tlhalositswe ka fa tlase ga temana ya fa godimo, bo iponatsha gareng ga tse dingwe mo go tse di latelang:
a Ditlwaelo le ditlhagiso ka puo, go akaretsa jaaka sediriswa se se sa ngwao-boswa jo bo sa tshwarweng.
b Botsweretshi jwa tiriso; ditlwaelo tsa loago, meetlo le mekete c Kitso le ditlwaelo tse di amanang le tlhago le bogotlhe d Bobetli jwa tlholego
Ditlhaloso tse di fetileng (go ya ka peomolao ya Aforika Borwa le Peomolao ya Boditšhabatšhaba) di bua ka ga selo se le sengwe. Diponagalo tse di tlhagelelang thata ke ditlwaelo tsa puo, tiragatso, meetlo le kitso ya tlhago, dikamano tsa setlhopha le tsa loago. Fao mongwe a lemogang dipharologano, ga se dipharologano tsa sebopego, ke tsa bokao fela jwa puo. Ka jalo tiriso ya mafoko ka thefosano jaaka MaAforika Borwa a dira, ga go tlise kgotlhang epe , fela go nna teng ga boitlhophelo.
Ngwao-Boswa jo bo tshelang fela jaaka sengwe le sengwe se se amanang le motho bo tla pele ga paka ya boimpiriale le bokoloniale. E ne e le, e bile e sa ntsane e le maitemogelo a a tshetsweng a ditšhaba tse di fetileng ka dipaka tse di farologaneng. Ke bojotlhe jwa maitemogelo a bone; mokgwa o ba diranang le botsalo, go tsofala, go gola, nyalo, dingwaga tsa botsofe le loso; mokgwa o ba ketekang dikgato tse tsa tlhabologo ya motho ka teng; mokgwa o ba diranang le botlhoki le bodidi ka teng, ka mokgwa o ba agang diikonomi tsa bone ka teng, ka moo ba tlholang boiketlo jwa bone; ka moo ba agisanang le ditšhaba tse dingwe ka teng ga mmogo letlhago ya tikologo ya bona, ka mokgwa o ba anelang dikinane tsa bone ka teng, ka mokgwa o ba opelang le go bina ka teng, j.j..
Mofuta wa ngwao-boswa e re nang nayo gompieno ke karolo ya ngwao-boswa go tswa kwa badimong ba rona go tswa kwa ga Lowe. Ngwao -boswa jwa rona bo simolola ka ditlwaelo tse di buiwang, hitori e e buiwang, meetlo, dithulaganyo tsa kitso ya tlholego tse di ntseng di somaretswe; tse di fetogileng, mme ka jalo di tlositse kgotsa di okeditse diponagalo tse ntšhwa ka ntlha ya go kopakopana ga batho magareng ga ditšhaba tse di farologaneng tsa lefatshe tse kwa tlholegong di neng di kgaogantswe ke go nna lolea le sekgala sa nako. Tlhotlheletsano e go ya pele e rotloeditswe ke tshwaragano ya bolefatshe e e lerilweng ke go tsena ga mafaratlhatlha a tlhaeletsano, koketsego ya maeto le bojanala, mme ka jalo go ngotla sekgala magareng ga ditšhaba tse di farologaneng.
Aforika Borwa ke sekai se se maleba sa setšhaba se se kopakopaneng se se bopilweng ke dingwao tse di humileng le tse di farologaneng - ke ka moo go nang le mogopolo wa Rainbow Nation. Ka jalo go botlhokwa gore mmuso o dire tikologo e e kgontshang ditlhopha tsa merafe yotlhe go tlhagisa le go bontsha mefuta e e farologaneng ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Se se tshwanetse go diragala ka mokgwa o o tshegetsang maikaelelo a setšhaba se se sa kgethololeng go ya ka bong, sa dipuo tse dintsi le setšhaba sa ditso tse dintsi. Gape se tshwanetse go diragala ka mokgwa wa go leka go rotloetsa go abelana maitemogelo a a farologaneng a setso magareng ga ditlhopha tsa ditso tse di farologaneng ka ntlha ya gore ke ka kabelano eo le go tlhaloganya dingwao-boswa tsa rona tse di farologaneng re ka fitlhelelang poelano ya setšhaba, kago ya setšhaba, le tshwaragano ya loago.
E tla bo e le fatlhosa ditlhopha tsa ditso tse dingwe tsotlhe go abelana kitso ka ga diphetogo tsa maemo, tse ngwao-boswa ya ditlhopha tse dingwe e fetileng mo go tsona. Se e ka tsaya mokgweng wa go leba dilo tse di farologaneng le tse di tshwanang ka bobedi. Go tla nna botlhokwa go ithuta ka moo ditso tse di farologaneng tse di amaneng ka amaneng ka teng go tlhola ditso tse di tswakaneng tse di nang le mokgwa o le mongwe o o tshwanang o le esi wa Aforika Borwa.
Go molemo tota gore dipholisi le dipeomolao tse di dirilweng molao morago ga 1994 di bueletse tsosoloso le tlhokomelo ngwa-boswa ya maAforika Borwa otlhe, mme ka go dira jalo go tsweletswa ditso tsa merafe yotlhe. Pegelo ya Maikemisetso (Pampiritshweu) ka ga Botsweretshi, Setso le Ngwao-Boswa gammogo le dilekane tsa yona, e leng Molao wa Bosetšhaba wa Ngwao-Boswa (Molao No 11 wa 1999) le Molao wa Bosetšhaba wa Didiriswa tsa Ngwao-Boswa (Molao No. 25 wa 1999) ke bopaki jwa ponelopele e e rulaganyeditsweng go fitlhelela maikemisetso a.
Mafapha a mmuso, mekgatlho e e seng ya mmuso, Mekgatlho ya setšhaba le ba tsere karolo e e sa rulagangwang go tlhokomela le go anamisa ngwao-boswa jo bo tshelang. Fa tseno di amogelwa le go tlotlomadiwa, molebo o o golaganeng, o o eteletsweng pele ke mmuso, gammogo le ditogamano tsa setšhaba di tlhokega go dira lenane le le tshwaraganeng mo go tlhameng thulaganyo e e tshwereng maikutlo a baagi botlhe ba Aforika Borwa. Lenane le tshwanetse go feta kokoanyo ya dilo tsa ngwao-boswa jo bo tshelang, mme le khutle ka tlhabololo ya pholisi le ditokomane tsa peomolao tse di tlhokagalang go le sireletsa (mo tirong ya go le dira kgwebo /sengwe se se ka tshwarwang). Basimolodi /bagale/basireletsi ba ngwao-boswa ba, le fa go ne go na le mathata, ba kgonneng go somarela kitso e e botlhokwa, ba tshwanetse go supiwa le go newa tlotlo e e ba tshwanetseng.
MAIKAELELO LE MAIKEMISETSO
Go keteka ngwao-boswa jwa rona jo bo tshelang mo ngwageng wa bo 10 wa Demokerasi ya rona.
Go tlhagisa le go itsise Kokoano ya Boditšhabatšhaba ya tshomarelo ya Setso Ngwao-Boswa jo bo sa tshwarweng
Go itsise le go amogela Matlotlo a a Tshelang a Setho
Go simolola serala sa puisano ka ga Ngwao-Boswa e e tla thusang ka tlhaloganyo ya se go buiwang ka sone, le go latela ga tlhamo ya dipholisi le peomolao ka ga tshomarelo, tshireletso le tsweletso ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang.
Go ratisa tiriso ya ngwao-boswa jo bo tshelang jaaka sediriswa sa kago ya setšhaba, tsosoloso ya botho, kitlano ya loago le go lebisa kwa tlhamong ya kitso ya bosetšhaba ya Aforika Borwa.
Go ratisa le tsweletso ya ngwao-boswa jo bo tshelang le go kopanya Aforika Borwa go dikologa dipoelo tsa ikonomi ya gagwe,, gareng ga tse dingwe, ka bojanala.
BAREETSI BA BA LEBILWENG
Setšhaba sa Aforika Borwa se bopilwe ka mefutafuta ya ditso le ngwao-boswa jo bo humileng. Ke ka setšhaba se sa Aforika Borwa se lefapha le batlang go se kokoanya setšhaba ka tiriso ya kgopolo ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Go nale mogopolo mo Aforika Borwa wa gore malatsi a Bosetšhaba a a beetswe karolo ya Aforika.. Se se dira kgatlhanong le kago setšhaba, poelano le kitlano ya loago. tsa Tlhaeletsano le ditogamaano tsa thekiso tsa rona di tla tshwanela ke go akanngwa ka mokgwa o e leng gore Malatsi a Bosetšhaba ka kakaretso le Malatsi a Ngwao-Boswa segolo, a ngoka bontsi jwa setšhaba sa Aforika Borwa. Tlhaeletsano le ditogamaano tsa papatso tsa rona di tla tshwanela ke go akanngwa ka mokgwa o e leng gore Malatsi a Bosetšhaba ka kakaretso le Malatsi a Ngwao-Boswa tota, a ngoka bontsi jwa setšhaba sa Aforika Borwa.
BANNA-LE-SEABE
Komiti ya Ditiro ya Botsweretshi le Setso
Mafapha Bosetšhaba a Mmuso;
Lefapha la Botsweretshi le Setso (lefapha le le eteletseng pele);
Ofisi ya Moporesidente;
Mebuso ya Diporofense;
Pusoselegae;
Bobegadikgang;
Ditheo tse di Amaneng tsa DAC;
Ditheo tsa Semolao;
Ditheo tsa Thuto e Kgolwane
Ditheo tsa Ketelopele ke Segosi
Mekgatlho ya Dikereke
Setšhaba
Mekgatlho e e seng ya Mmuso
Ditlhopha tsa go Ngoka tsa Setso
Mekgatlho ya Setšhaba
LENANE LA POROJEKE
Lefapha la Botsweretshi le Setso le tshisinya gore go nne le molebo o o farologaneng wa Manane a Kgwedi ya Ngwao-Boswa le Letsatsi la Ngwao-Boswa ka 2004. Re tshisinya go kgaotsa "Keteko ya Bosetšhaba" e ka gale e nnang mokete o mogolo o o tshwarelwang kwa Union Buildings kgotsa kwa lefelong lengwe fela. Re solofetse meletlo ya Kgwedi ya Ngwao-Boswa le Letsatsi la Ngwao-Boswa e e tla dirang gore Diporofense, Bommasepala, Boeteledipele jwa Merafe bo nna le seabe se segolo mo togamanong gore Kgwedi ya Ngwao-Boswa le Letsatsi la Ngwao-Boswa le nne le bokao mo setšhabeng mme le tsose bokgoni jwa go ngokela setšhaba sa Aforika Borwa mo mogopolong wa Ngwao-Boswa jo bo tshelang. Re solofela go dirisa thitokgang jaaka maragogo a go fitlhelela ponelopele e kgolwane ya go kokoanya, go somarela, go sireletsa le go tsweletsa Ngwao-Boswa jwa rona. Ka thito-kgang e, mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, DAC e solofela go tla bo e tlhomile pholisi le peomolao ga mmogo le lenane la bosetšhaba le le maatla le sefalana sa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang le Matlotlo a Batho ba ba Tshelang ka bobedi jaaka re latlhegelwa ke batho letsatsi lengwe le lengwe.
LETLHOMESO LE LE TSHISINTSWENG LA TIRAGATSO LA KGWEDI
Re tshisnys dibeke tse ka tsona go tla lebelelwang dilo tse di farologaneng tsa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Banna-le-seabe botlhe ba tla tlhagisa dintlha mabapi le ka moo ba rulaganyang go diragatsa manane a a diretsweng go anamisa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang. Lefapha la Botsweretshi le Setso le rulaganya go maatlafatsa botsalano le Koporasi ya Tirelo-kgaso ya Aforika Borwa (SABC) go netefatsa gore go na le phasalatso e e anameng tebang le thitokgang le manane a yona a kgwedi yotlhe.
DINTLHA TSE DI TSHISINTSWENG TSA TIRISANO LE SABC
Ka tirisano le SABC, go tla rulagangwa setlhopha sa dipuisano ka ga Kitso ya Tlholego/Setso le Ditiro. Maikaelelomagolo e tla nna go dirisa ngwao-boswa ya Aforika Borwa go nna le seabe mo ditlapeleng tsa bosetšhaba go akaretsa ntwa kgatlhanong le HIV/Aids, phokotso ya bosenyi, kago ya kgolagano ya bosetšhaba le tsosoloso ya botho mo Aforika Borwa.
Go dira gore mogopolo wa kitso ya tlholego/setso le ditlwaelo gore o tshele magareng ga bašwa, go botlhokwa go supa bomaleba le bomosola jwa ditlwaelo tse gompieno (Gore bašwa ba ka boelwa jang mo loagong le mo ikonoming go tswa mo go tsona). Sekai, go ntse go na le maikutlo a a golelang kwa godimo mo tirisong ya diaparo tsa setso, dintlafatsa sefatlhego le mekgabiso, tse bašwa ba tshwanetseng go di tsaya jaaka tšhono ya maatlafatso ya loago le ikonomi.
MaAforika Borwa ba ba itsiweng ba na le bokgoni le botegeniki mo lephateng la kitso ya tlholego/setso le ditlwaelo ba tla lalediwa kwa Tirelong Kgaso ya Aforika Borwa (SABC), mme ba neelwe serala go abelana kitso e le setšhaba sotlhe. Kgatelelo e tshwanetse go nna gore dintlha tse tsa kitso ya tlholego le ditlwaelo di ka dirisiwa jang go samagana le ditlapele tsa bosetšhaba.
Dintlha tsa botlhokwa di ka akaretsa:
bokgoni jwa tlhago, boagi le boitseanape dijo tsa tlhago le mekgwa (e e welwang) ya go apaya le go somarela boitseanape jwa Melemo le go alafa mekgabiso le diaparo tsa setso dikopelo le mmino wa tlholego/setso tse di golagangwang le maitemogelo a a farologaneng le ditirelo tse di fetang jaaka go belega, bokgarebe/bokau, lenyalo, leso, j.j.
histori ya molomo (e e sa kwalwang ) le setso se se bolelwang
BEKE YA NTLHA: KOPELO LE MMINO
Beke e tla nna ya manane a dikopelo le mmino, e seng fela go bontsha ditiragalo tsa dikopelo le go bina, mme e le go golaganya manane a le dikinane tse di rileng, ditiragalo, meletlo kgotsa ditirelo. Se gape e tla nna tšhono ya go bontsha ka moo ditirelo tsa dikopelo le mmino di fetogileng mo tsamaong ya nako mo setšhabeng sa ditso tse dintsi le gore ditso tse di farologaneng di tshwaetsane jang. Maitlhomo a tiro e, e tla bo e le go gatelela ka mokgwa o boswa jwa rona jo bo tshwanang bo ka dirang jaaka karolo ya go aga setšhaba le tshwaragano ya loago. Ka jalo go tla nna botlhokwa go bona bagolo go re thusa go fitlhelela ponelopele e ya go netefatsa gore boitlhamedi jwa batho mo ka dipaka tse di farologaneng bo senolwang le go bonwa ke masika a jaanong le a a tlang.
Lefapha le dirisana le diyunibesithi tsa Venda, Zululand le Fort Hare mo go kokoanyeng le go somarela Dikopelo tsa Tlhago, Mmino le Histori ya Molomo (ditiragalo tse di sa kwalwang). Beke e, e ka nna tšhono ya go bontsha tiro e porojeke e, e se fitlheletseng.
Se se botlhokwa thata, e tla nna matlhagatlhaga a go nna le seabe ga batho ba mo gae mo go diragatseng dikopelo le go bina setso.
BEKE YA BOBEDI: KITSO LE DITLWAELO TSA TLHAGO/SETSO
Go na le tlwaelo ya go golaganya kitso ya tlhago/setso le ditlwaelo le karolo ya setšhaba sa ma-Aforika. Se se bakile mogopolo o o fosagetseng gore merafe e mengwe ga e ise e nne le setso, e bile ga e ise e tshwenyege ka dikgwetlho tse merafe e mengwe e kampaneng natso. Sekai, tlhagiso ya dijo, melemo le ditlolo dingwaga tse dintsi tse di fetileng e farologane thata le ka moo di tlhagisiwang gompieno. Se ke sengwe se se tshwanang mo merafeng yotlhe, mme go na le dilo tse dintsi tse re ka abelanang go ya ka mekgwa e bagolo ba rona ba neng ba tsoma ka teng, ka moo ba neng ba gotsa molelo ka teng, ka mokgwa o ba neng ba epa gouta le taemane ka teng, ka moo ba neng ba somarela tikologo ya rona, ka moo ba neng ba atisa leruo, ka moo ba neng ba belegisa, ka moo ba neng ba godisa bana, ka moo ba neng ba dirisa mekgabiso le ditlolo tsa sefatlhego tsa tlholego, j.j. Lefapha le batla, sekai, go tsepamisa dipuisano mo dijong tsa tlholego.
DIJO TSA TLHOLEGO
Dijo tsa se-Aforika tsa tlholego di nonofile, e bile di tlhwatlhwatlase go na le tsa kwa bophirima. Le gale ga go ise go bontshiwe boleng jwa dikotla le ikonomi ya tsona ka bobedi.
Dijo tsa tlholego jaaka morogo, imifino (merogo e e farologaneng e apeilwe mmogo mo pitseng e le nngwe), dikgobe, semphemphe, potele, mala mogodu le dino tse di jaaka gemere ga se fela matshwao a a golaganngwang le se-Aforika, fela ke dikotla tse di tlhwatlhwatlase le tse di nonofileng.
Lefapha le ikaelela go tshwaragana le CSIR led Kellogg Foundation mo go rulaganyeng porojeke/tiragalo ya anchor kwa dijo tsa tlholego di tla bontshiwang teng. Tiragalo e tla netefatsa gore batho ba selegae ba tla nna le seabe ka botlalo.
BEKE YA BORARO: DIKWAKWABIDI (ICONS) TSA AFORIKA BORWA TSA NGWAO-BOSWA LE DIKGANG TSA BONE
Beke e, e tla nna ya go tlhalosa le go buisana le batho ka sebele kgotsa go bua ka ga diphitlhelelo tsa batho ba ba atlegileng mo mefameng e e farologaneng ya ngwao-boswa jo bo tshelang.
Re dirisitse lereo la dikwakwabidi (icons) go nolofatsa mogopolo wa Matlotlo a Batho ba ba Tshelang (Living Human Treasures), le e leng tlhaloso ya UNESCO ya lone lereo le.
Dikwakwabidi tse ke batho ba ba:
nnileng le seabe se segolo mo go tsosoloseng setso sa tlhago se se mo kotsing ya go nyelela ka ntlha ya go tlhoka dithata ya go dibela le go sireletsa kgotsa ka ntlha ya diphetogo tsa ka bonako, go tsaya mekgwa ya kwa ditoropong kgotsa go kopakopana ga ditso bontshitseng seabe sa bone jaaka mokgwa wa go go tshwana ga ditso tsa batho le ditso tsa batho ba ba amegang, botlhokwa jwa tsona jaaka motswedi wa thotloetso le jaaka mokgwa wa go kopanya batho le go tlisa ditšhaba mmogo neetseng bopaki jwa bokgoni mo tirisong ya botswerere le botegeniki neileng bopaki jo bo anameng ka ga tlhago ya bone kgotsa histori ya tlhago ya setšhaba se se amegang netefaditseng boleng jwa bone jaaka bopaki bo bo itlhophileng jwa ditso tsa tlhago e e tshelang
BEKE YA BONE: PUISANO YA BOSETŠHABA KA GA MOSOLA WA NGWAO-BOSWA JO BO TSHELANG MO KAGONG-SEŠWA MO TSOSOLOSONG YA BOTHO; KITLANO YA LOAGO, PHEDISO YA BODIDI; KAGO YA SETŠHABA; POELANO LE KGATELOPELE YA BOSETŠHABA
Lefapha la Botsweretshi le Setso le ikaelela go tshwara dipuisano tsa bosetšhaba ka ga dintlha tsa bosetšhaba tse di kailweng fa godimo. Maikaelelomagolo ke go nolofaletsa baagi botlhe ba Aforika Borwa dintlha tse. Go ya kwa pele ke go sekaseka mokgwa o Aforika Borwa e ka fitlhelelang maikaelelo a ka ona.
Mo go amogeleng botlhale jo bo leng teng mo setšhabeng sa Aforika Borwa, Lefapha, ka bobegadikgang, le tla dirisana le setšhaba mo dipuisanong mabapi le gore dintlha tse di farologaneng tsa ngwao-boswa jwa rona di ka dirisiwa jang go mekamekana le dintlha tse tsa bosetšhaba.
Dipuisano tse tsa bosetšhaba di tla tlhama motheo wa tlhabololo ya Togamaano ya Bosetšhaba ka ga Kokoanyo, Tshireletso, tlhokomelo le Tsweletso ya Ngwao-Boswa jo bo Tshelang/ Ngwao-Boswa setso se se sa Tshwaregeng.
Go tla dirwa tirisano le SABC go nna le setlhopha sa dipuisano mo diteišeneng tsa radio mo mananeng a a kgonagalang mo setšhaba se tla dirang ditshwaelo tse di se lebisang kwa lefapheng la bosetšhaba ka ga setlhogo se.
LETSATSI LA NGWAO-BOSWA : 24 LWETSE
Meletlo ya Letsatsi la Ngwao-Boswa e tla tshwarwa kwa diporofenseng tse di robongwe ga mmogo le kwa dikgaolong tsa bommasepala. Lefapha la bosetšhaba le tla dirisa kgwedi e jaaka maitshetlego a go kgakola letsholo le le tshwanetseng go felela ka Togamaano ya go Kokoanya, go Tlhokomela, go Sireletsa, go Tsweletsa le go Anamisa Ngwao-Boswa jo bo Tshelang.
